LEFAPHA LA DIMENERALE LE MAATLA
Dimenerale & Maatla mabapi le Tlhabololo & Tswelelo
SETHEO SE SE TSHWARAGANENG SA MAATLA
KGATO YA
LEFAPHA LA DIMENERALE LE MAATLA
Dimenerale le Maatla mabapi le Tlhabololo le Tswelelo
LEMORAGO
Kgato ya Ditheo tse di Tshwaraganeng tsa Maatla e tlhagelela ka ntlha ya temogo ya gore thebolo ya maatla ka boyona ga e a lekana go tsweledisa tlhabololo. Maatla a tshwanetse go golaganngwa le ditlhokwa tse dingwe tse di jaaka phitlhelelo ya metsi, bophepa, boitekanelo, thuto, Tlhabololo ya Ikonomi ya Loago (LED), jj. E bile kgolagano e ke kamogelo fela ya gore ditirelo tse, kgotsa ditlhokwa, di tshwaragane mo go tokafatseng matshelo a letsatsi le letsatsi a batho.
Tlhokego ya metswedi ya maatla kwa magaeng ke ntlha e e botlhokwa, ka maatla e le tlhokego e e botlhokwa go tlhabololo nngwe le nngwe e e tswelelang. Re ka se tseele kwa tlase ntlha ya gore diphetogo tsa tlhabololo ya magae di thatafadiwa ke diketsaetsego tsa thebolo ya maatla.
Lefapha la Dimenerale le Maatla (DME) le lemogile mathata a bahumanegi le dipharologano tsa maatla tse di leng teng mo nageng, le lemogile gore dithuso tse di feletseng tsa manane a thebolo ya maatla a a tokafaditsweng ga di fitlhelele baagi ba ba maleba. Go e baya ka tsela e nngwe, dipholisi le maano di tlhagisitswe, fela go lebega go na le mokhino magareng ga maikaelelo a a mantle le tsenyotirisong e e bonagalang.
Mabapi le pharologano e ya maatla, Lefapha la Dimenerale le Maatla le ineetse go nna le seabe mo go fediseng lehuma la maatla gape le go ema nokeng maano a puso ya bosetšhaba a a ikaelelang go fokotsa lehuma la kwa ditoropong le la kwa magaeng. Nngwe ya mekgwa e mentsi e DME e e tlhagisitseng e e ikaelelang go rarabolola lehuma la maatla ke Ditheo tse di Tshwaraganeng tsa Maatla (IeCs). Ka jalo, Lenane la Ditheo tse di Tshwaraganeng tsa Maatla le ne la akanngwa. Ka IeCs, DME e tshwaragane le baamegi ba ba maleba, setheo sa poraefete, dimmasepala le mekgatlho ya kabo mo go tlhomeng setheo se se laolang ke baagi, se se sa tlhagiseng fela dikumo tsa maatla, mme gape se rebola ditirelo tsa tshedimosetso le tsa thuso.
Setheo se se Tshwaraganeng sa Maatla (IeC) ke lebenkele la maatla le le laolwang le go tsamaisiwa ke baagi ka Tirisanommogo e bile se rulagantswe go nna porojeke ya baagi. Se rebolela baagi ditharabololo tsa maatla, phitlhelelo ya ditirelo tsa maatla tse di kgonwang e bile di bolokegile gape di tswelela.
IeCs di rebola ditirelo tsa maatla tse dintsi; di dira gore maatla a nne teng bonolo, di tokafatsa temoso ya metswedi ya maatla e e farologaneng le ditirelo tse di farologaneng, thuso le maatlafatso ya selegae le tlhabololo ka thebolo ya polokego ya maatla, s.k. Parafini. IeC nngwe le nngwe ya selegae e golagantswe le Thulaganyo e e Tshwaraganeng ya Tlhabololo (IDP) ya lefelo le le rileng, e e tsenngwang tirisong ka ISRDP, ka jalo e tshwaraganye thebolo ya ditlhopho tse di farologaneng tsa maatla le diporojeke tse dingwe jaaka thebolelo ya metsi, go aga dikolo le ditliliniki, jj.
MAIKAELELO
Go tlhola ditiro
Go fokotsa lehuma
Go tlisa dikumo tsa maatla fa gaufi le batho
Go bebofatsa tlholo ya dikgwebo tse di tsenyang lotseno ka IeCs
Go rotloetsa seabe sa Baagi le taolo
Go bebofatsa thebolo ya Katiso
Go fokotsa peresente ya pharologano ya maatla le go se tlhabologe ga batho ba kwa magaeng
Go ruta malapa ka ga go dirisa maatla sentle le ka moo go ka somarelwang maatla ka teng
Go ruta le go sedimosa ka ga tiriso e e tswelelang ya maatla go lebilwe tikologo
Go rotloetsa dipuo tse di borethe tsa tiriso ya maatla
Go tlhagisa le go bonagatsa baagi mabapi le ditharabololo tse dintšhwafaditsweng tsa maatla
IeC's DI AROGANTSWE KA MAPHATA A LE MABEDI
LEPHATA LA KGWEBO
Peterolo;
Disele.
Dikarata tsa tuelo-pele tse di mabapi le mafaratlhatlha a motlakase;
Megala ya botlhe;
Didirisiwa tsa maatla tse di phepa, tse di bolokegileng (diapei, mabone, ditsidifatsi, jj.);
Dithutafatsi tsa Metsi a Sedirisa-letsatsi;
Mafetlho a go pompa metsi le go tlatsa beteri; le
LEPHATA LA TSHEDIMOSETSO
Dipontsho, diphosetara, dibukana, dipampitshana, jj. tse di ka ga ditlhopho tse di farologaneng tsa maatla le dikumo;
Go tlhagisa lenane la temoso mabapi le tshiamo ya maatla le polokego;
Go dira jaaka setheo sa ditirelo tse di farologaneng mabapi le thebolo ya ditirelo tse dingwe tsa puso;
Dipontsho tsa dithulaganyo tsa maatla tsa selegae;
Ditlamo di tlile go lalediwa go tlhagisa tshupetso e ka ga metswedi e e farologaneng ya maatla le dithekenoloji; le
Dibedio tsa thuto tse di ka ga maatla.
